Go tlile jang gore porojeke eno e nne teng?

Go tlile jang gore porojeke eno e nne teng?

Maikaelelo a porojeke eno ke gore e etelele kana e gogele batho gore ba amogele Jesu Kreste jaaka Morena le Mopholosi wa matshelo a bone. Le fa e le gore re tlhomile megopolo thata mo kgaolong ya boraro ya ga Johane, seno ga se ree gore dikarolo tse dingwe di itlhokomolositswe, mme ka gore e na le bogare kana modi wa efangeli ya Jesu Kreste, mafoko a gagwe a fana kana a neelana ka tlhaloso e e feteletseng. Leano la Modimo ka pholoso ya motho a dirilwe bonolo go feta. A dirilwe gore re kgone go a tlhaloganya, go sa kgathalasege gore re ba morafe ofe, gore re bua puo efe, le gore tumelo ya rona ke efe.

Setlhopha

Setlhopha sa porojeke eno se na le badumedi ba ba emeng nokeng ntlha eno, ka go ranola le ka thuso e ba e neelang. Ga ba bone poelo epe mme ebile setlhopa seno ga se bone matlotlo go tswa kwa ntle ntle le fa e le go tswa go ba ba ithaopang. Pholoso ya ba ba arabelang pitso ya Modimo ke sone se se botlhokwa. Fa o ikutlwa gore o rata go ka neelana ka tshelete/ madi o ka dirisa link e e fano:

Dipuo di tla tsenngwa fa baithaopi, matlotlo le nako e dumela. Fa o ikutlwa gore o ka rata go neela ka go ranolola webosite eno mo puong ya gago, gololesega go ka re letsetsa ka go dirisa foromo ya dipegelo (feedback form) e e bonwang mo tsebeng e e kgolo (mainpage).

Mokwalo wa Beibele o o dirisitsweng

Ditemana tsa Beibele tse di nopotsweng ka seesemane (English) di tswa mo Beibeleng ya King James Version, le fa mo dikarolong dingwe di tshotswe go tswa go New King James Version. Goreng fa go na le dikwalo tse di farologaneng mo ditsebeng tse di farologaneng tsa webosite? Lefoko la Modimo ke lone le re le tlhomileng matlho. Sengwe le sengwe se se leng teng mo webositeng eno, se tshegeditswe ke bopaki jo bo mo Beibeleng.

Mmala wa mokwalo

Jaaka e setse e le tlwaelo gore mo Beibeleng, mafoko a a builweng ke Jesu a bontshiwa ka mmala o bohibidu. Mo gongwe, mo eleng gore lefoko le a le buileng le a gatelelwa, le bonala ka mmala o montsho. Seno ga se phoso.

Diakhaonto mo Metsweding ya go ikgolaganya le batho

Ga re dirise diakhaonto tsa metswedi ya go ikgolaganya le batho. Webosite ya rona e ka bonwa gape mo seraleng sa you-tube, mme le gone motswedi ono o sa ntse o godisiwa. Divideo tsa go ka rotloetsa di bonwa kwa tlasetlase ga tsebe eno.

Ke eng fa re dirisa diakhaonto mo metsweding ya go ikgolaganya le batho? Seno ke potso e e bodiwang ka gale mme go tshotse nako e le ntsi go ka e araba mo phatlhalatseng. Santlha, go botlhokwa go itse gore re ne re na le akhaonto mo Facebook, mo Twitter le mo Instagram. Diakhaonto tseno di ne tsa gogela baeti ba le bantsi. Sa bobedi re di tlositse morago ga dikgwedinyana. Ke eng fa re dirile seno?

Lebaka le le bonalang ke gore, beng le batsamaisi ba diakhaonto tseno ke batho ba ba sa dumeleng, mme ebile ba dirisa dikgoka kgatlhanong le Bakreste le diteng tsa boKreste. Ke eng fa re tshwanetse go neelana ka efangeli ya Kreste e e tlhwatlhwakgolo (bona lekwalo la rona la setlhogo sa Tumelo ya gago ke Letlotlo la Gago) mo seraleng se e leng gore le sone ka bo sone ga se rotloetse go tshela ka boModimo jaaka fa lefoko/lentswe le re laela? Re a bitswa ke Lefoko gore re seka ra ikgokaganya le ditiro tsa ga diabolo.

11Lo seka lwa nna le bolekane le ditiro tsa lefifi tse di senang leungo, mme bogolo lo di kgalemele – Baefeso 5:11

Mong wa Facebook are ga e sa tlhole e le wa leloko la batlhokatumelo, mme o retologetse mo “bodumeding. Mme tsala, bodumedi ga bona go go boloka,. Go fitlhela o dirisa facebook go itseise phatlhalatsa gore o amogetse Jesu Kreste jaaka Morena le Mopholosi, mme o kgala ditiro tse di sa siamang tse Facebook e di emang nokeng, o ka se re o mo leseding, Jesu Kreste, mme fela o tswela pele o tlhotlheletsa ditiro tsa lefifi, tse e leng gore go le gantsi Facebook e a di dira.

Instagram, e e leng ya Facebook le yone. Bobedi jwa tsone bo mo kampeng e le nngwe. Ke eng se e leng gore lefoko la Modimo le a se re ruta?

1Go sego monna yo o sa tsamayeng mo kgakololong ya Baikepi, le fa e le go ema mo tseleng ya Baleofi, le fa e le go dula mo setulong sa basotli.- – Pesalema 1:1

O seka wa tsamaisana tsela le baikepi, badiradibe le basotli. Ba ka dira gore o tswe mo tseleng, o we .Re setse re kwadile molaetsa ka ga seno. Bona ka go buisa lekwalo la Nako ya go kgaogana e fitlhile.

Jaanong Twitter yone? Twitter e tsaya fa dintlha tsa BoKreste e le puo ya letlhoo. Ba thibela ditweets tse di nang le ditemana tsa Beibele, ebile ba ka tlosa akhaonto eo bonolo fela kwantle le tshiamiso. Mme fela fa o leba gona mo Twitter go na le ditshwaelo tse di kwalwang ke batho ba ba tlhoileng Modimo le dirukhutlhi, mme ditswaelo tseno di bonwa fa ele kgololesego ya puo. Go bonala fa kgololesego ya puo e sa tshwanela Bakreste. Ba thibela le go dirisa sefapano jaaka sesupo. Sefapano sa ga Jesu Kreste ke sesupo se le sengwe fela se se re itsiseng fa re le Bakreste. O ele tlhoko gore rona sefapano sa rona ga se na sepe. Go na le ba kereke ya Roma ya Katoliki, e e bontshang fa Jesu a sa ntse a le mo sefapanong, jaaka e kete ga a fetsa thulaganyo ya go lefa dibe tsa rona, Mopholosi wa nnete o sule, a tlosiwa mo sefapanong, a fitlhwa a be a tsoga morago ga matsatsi a le mararo! E tsamaile le wena, Twitter.

Jaanong ba baneng ba batla go latela diteng tsa webosite ya John Chapter Three mo diraleng tse dingwe. Tshedimotsetso yotlhe e fano. Matsapa ao a dirisang go bula diakhaonto mo metsweding ya go ikgolaganya le batho, ke one a o ka a dirisang go go bula website e kgolo eno. Re tlhomile matlho mo go Jesu Kreste, mopholosi yo o tsogileng, eseng mo bolefatsheng le melaetsa e e kgatlhanong le boKreste e eleng gore diakhaonto mo metsweding ya go ikgolaganya le batho e a e kaya.

Ga re re ditlhopha tse dingwe tsa Bokreste tse di dirisang diakhaonto mo metsweding ya go ikgolaganya le batho di seka tsa dira jalo. Mme, re ka se tsee diteng tsa rona, tse di tsayang nako le matsapa go di dira go tswa mo pelong, gore di tlhakatlhakangwe le matlakala a lefatshe- ditshwantsho tsa go itlotlomatsa (selfies) tsa batho ba ba ratang go itlhapedisa ba ba ipatlelang go tuma go na le gore ba tlhome matlho mo Modimong le Bogosi jwa One.

Fa e le gore seno ke molaetsa o o bogale, a go nne jalo. Re gaufi thata le go tla ga Jesu Kreste gore monyadi wa gagwe, Kereke (go gapiwa) gore re ka senya nako. Nako ke e nnye ebile e ka fela pele ga o fetsa go kwala polelo e. Mme jaanong ka o buisa se, nako ga se e fele, mme seno ke ka gore Modimo o atisa boutlwelobotlhoko gore batho ba bantsi ba tle ba pholosiwe. O seka wa senya tshono e o e filweng:

9Morena ga a bonya ka ga polelo ya tsholofetso, jaaka ba bangwe ba tle ba kaye bonya; mme o pelotelele mo go lona, a sa rate gore ope a swe, fa e se gore botlhe batle mo boikwatlhaong. – 2 Petere 3:9