
Tiriso ya tshedimosetso e e mo webositeng
Diteng tse di leng teng mo webositeng eno, di teng go gogela batho mo go tlhaloganyeng lerato la Modimo go batho mo go tletseng, le go thusa gore ba amogele Jesu Kreste jaaka Morena le mopholosi. E tlhalosiwa ka tsela e e tlhamaletseng, jaaka go tlhaloganngwa ke mokwadi, go ya ka jaaka a busisitse lefoko la Modimo. Mokwadi o na le lekwalo la borutegi la bodumedi le le itsegeng.
Webosite e na le dikarolo tse pedi:
- Leano la Modimo ka ga pholoso, le le beilweng ka tsela e bonolo, e e tlhaloganyesegang e e nang le Thapelo ya modiradibe; le
- Dikwalo tsa go gola mo tumelong tse di ka buisiwang mo inthaneteng (online) kana go khopiwa gore di buisiwe kwantle le inthanete.
Kgokagano ya ditemana
Kgokagano ya ditemana e tswa mo go King James Version (1611 Authorised Version) mo thenololong ya seesemane (English), ntle le fa go supilwe. King James Version ga e kwale mafoko a go tshwana le Morwa, Modimo, le Mowa o o Boitshepo gore go tlhaloganyesege mo ditshwaelong, maemedi a tshwanang le O, le Wa a kwadilwe ka ditlhakakgolo.
Ditshwantsho
Ditshwantsho tse di dirisitsweng fano di tswa go Unsplash, e leng motswedi wa ditshwantsho tsa boleng jo bo kwa godimo. Webosite ya John Chapter Three ga e kopiwe go ka galaletsa Unsplash ka go dirisa ditshwantso tsa bone jaaka e le gore ba Unsplash ba dumelela batho go dirisa ditshwantso tsa bone kwa ntle le go galaletsa batsaaditshwantso. Mme fano, re galaletsa ba Unsplash ka go dirisa ditshwantsho tsa bone, mme re rata go ba leboga thata. [ Tumelano ya laesense ya Unsplash... ]
Diteng
Webosite eno ga e phasalatse go ya ka megopolo ya sepolotiki kana bodumedi. Diteng jaaka fa di bonala, ke lefoko la Modimo. Fa mmuisi a sa kgotsofale ka gore diteng tseno di sa tsamaelane le bodumedi kana go ya ka polotiki e a amanang le yone, ba ka nne ba tswela pele mme ba ikgolaganya le motswedi o mongwe. Kwa bofelong, lefoko la Modimo ke lone motswedi wa bofelo. O tshwanetse go buisa, go batlisisa, le go buisa Beibele go ya ka mokgwa o diteng tsa yone di leng ka teng, eseng sepe go feta moo. Diteng tsa webosite eno, di leka go tlhalosa ditemana go ya ka nako e re leng mo go yone.
Babuisi ba amogelesegile go ka golagana le mokwadi fa ba batla go itse go le gontsi. Dingangisano tse di senang tlhogo ga di a eletsega jaaka fa Beibele e re laela (2 Timoti 3:3-5). Fa o na le dipotso, ka kopo ikgolaganye le rona ka go dirisa link e e fa tlase.