
Re dumela mo go eng?
5 Seetebosigo 2020
Motheo wa tumelo ya baapostole o ne o sa kwalwa ke baapostolo mme o ne wa kgobokanngwa morago ga go swa ga bone. Ga e bonale sentle mo Beibeleng, mme e bipa dintlha tse di gagametseng tse di fitlhelwang mo Beibeleng.
Ke dumela mo Modimong, Mo Go Rara Mothataotlhe, Motlhodi wa legodimo le lefatshe, le mo go Jesu Kreste, Morwae a le esi, Morena wa rona, yo o imilweng ka semowa, a tsalwa ke Maria wa lekgarejana , a sotlakakwa mo tlase ga Pontos Pilato, a bapolwa, a swa, a be a fitlwa. A fologela kwa diheleng. Ka letsatsi la boraro a tsoga gape mo losong. A tlhatlhogela kwa legodimong mme o dutse mo letsogong la moja la Modimo, eleng Rara, Mothataotlhe, mo a tla togang teng go tla go atlhola batshidi le baswi. Ke dumela mo Moyeng o o Boitshepo, kamano ya baitshepi, itshwarelo ya dibe, gore mmele o o suleng o a tsoga, le botshelo jo bo sa khutlheng.