
Mpho e kgolo ya Modimo go batho
03 October 2021
John Chapter Three e re bolelela ka Nikotemo (Nicodemus) yo e neng e le molaudi wa Bajuta. Nikotemo o ne a tla go Jesu go le bosigo a mo raya are: Baeteledipele ba itse fa o le morutabana o mogolo. Pele ga Jesu a ka tswelela pele, Jesu a thaya puo ya bone – Fa motho a sa tsalwe sesha, ga a kake a bona bogosi jwa Modimo. Nikotemo a makatswa ke se mme a tshwantshanya se Jesu a se buang le jaaka fa motho a ka boela mo popelong ya ga mmaagwe. Jesu a tswelela pele are fa motho a sa tsalwe ka metsi le ka mowa o o Boitshepo ga a kitla a bona bogosi jwa Modimo. Jesu a farologanya go tsalwa senama (ke motho wa nama) le go tsalwa ka semowa (Go tsalwa semowa).
Jesu a mmolela gore ka e le molaudi/moeteledipele le morutabana wa Iseraele, Nikotemo o tshwanetse a be a itse se. Jesu a bolelela Nikotemo gore ka mokgwa o Moshe a tlhatlhositseng noga mo gare ga naga, le Morwa Motho (Jesu) o tshwanetse go tlhatlhoswa fela jalo gore ba ba dumelang mo go Ene ba seka ba nyelela mme ba bone botshelo jo bo sa khutlheng.
Jesu o netefatsa se jaana:
16Gonne Modimo o ratile lefatshe mo go kalokalo, wa ntsha Morwa one yo o tsetsweng a le esi, gore le fa e le mang kapa mang yo o dumelang mo go ene, a seka a nyelela, mme a bone botshelo jo bo sa khutlheng. – Johane 3:16
Go a kgonagala gore o simolola go buisa temana e lantlha mo botshelong jwa gago. Ka gore diabolo o a re foufatsa, ga re bone nnete e e gakgamatsang ya temana e. A re leke go e farologanya ka dikarolo gore re go bontshe gore karolo e nngwe le e nngwe ke se Modimo a ka kgonang go se dira.
- Go nne Modimo o ratile lefatse go le kalokalo gore a be a be a:
- Modimo ke ene yo o laolang. Ke Ene yo Mogolo go tsotlhe.
- Eseng “o rate”, mme “O ratile” - Tiro e e setse e dirilwe ke Modimo, a e fetsa pele ga go nna le batho mo lefatsheng ba ba ka lekang go mo kgotsofatsa ka ditiro. Modimo ga o ka wa leta gore motho o mo fetole gore a tle a rate motho. O ratile motho pele. Kwa ntle ga go sadisa sepe.
- Ke maikaelelo a Modimo otlhe.
- Modimo ga o aka wa rata dikarolo dingwe tsa lefatshe, O ratile lefatshe batho botlhe, go sa kgathalasege morafe wa bone, bong, seemo sa tumelo, dikgopolo/dikakanyo, ditsela le maemo a ba le mo go one.
- Ke lemorago la lerato la gagwe.
- O ntshitse Morwae yo o esi
- O ntshitse Morwae yo o esi, e leng Jesu. Se ke mpho e e sa lefelweng, ya mahala. Fa o fiwa mpho e o sa e lefeleng/ya mahala, a ga o kake wa e tsaya?
- Modimo o na le morwa yo o esi, eleng Jesu. Ga a na morwa yo mongwe, kana yo o ka emelang yo mongwe, kana yo o ka tsenang mo boemong jwa o mongwe.
- Se ke mpho e e feletseng.
- Gore mongwe le mongwe yo o dumelang mo go ene
- Mongwe le mongwe ke mang kapa mang le botlhe, e akaretsa le wena.
- Mongwe le mongwe yo o dumelang e kaya gore o amogele Ene fela jaaka Morena/Molaudi le Mopholosi wa botshelo jwa gago.
- Se ke tsela ya go tlhopha batho.
- Ba se ka ba nyelela
- Go nyelela go kaya go swa. Modimo ga ba battle gore o swele mo dibeng tsa gago.
- Se ke tsela ya go ka go gololwa kwa diheleng.
- Mme ba nne le botshelo jo bo sa khutlheng.
- Go nna le ke se o ka se bonang, se ke tiro e e feletseng. Ga e tlhoke sepe gape. E tlhomamisitswe.
- Ditumelo tse dintsi di ruta gore botshelo ke se gongwe o ka se bonang, fa o na le dintlha tse di lekaneng le fa, ebile fela fa, modimo wa tumelo ewa a itumelela ditiro tsa gago. Go ya ka bone, ga go na sepe se se tlhomamisitsweng.
- Botshelo jo bo sa khutlheng jo Modimo a go tshepisang jone ka Morwae bo bogolo go feta nako. Ga bo fele.
- Botshelo jo bo sa khutlheng ke jwa gago fa o dumela mo Morwa Modimo. O tshelela bosakhutlheng, mme le wena o ka dira jalo. Go bonolo fela jalo.
- Se ke thoto e e feletseng.
Goreng Modimo a dirile seno?
Tse ke ditemana tse di latelang e re fetsang go e lebelela, di bontsha lebaka le Modimo a dirileng seno (Mafoko a bontshitsweng a bontsho ke mafoko a builweng ke Jesu):
17Gonne Modimo ga o aka w aroma Morwa wa One mo lefatsheng go sekisa lefatshe, mme e le gore lefatshe le bolokwe ka ene. 18Yo o dumelang mo go ene ga a sekisiwe; yo o sa dumeleng o sekisitswe le gompieno, ka a seka a dumela mo leineng la Morwa Modimo yo o tsetsweng a le esi. 19Tshekiso ke e, gore lesedi le tsile mo lefatsheng, mme batho ba ratile lefifi bogolo go lesedi; gonne ditiro tsa bone di ne di le bosula. 2020Gonne mongwe le mongwe yo o dirang bosula o ila lesedi, o a ba a sat le leseding, e tle e re kgotsa ditiro tsa gagwe di kgalemelwe. 21Yo o dirang boammmaaruri o tla leseding, gore ditiro tsa gagwe di senolwe, fa di dirilwe mo Modimong – Johane 3:17-21
- (Modimo) Ga o a romela Morwa wa One gore a tle go sekisa lefatshe. Lerato la nnete ga le sekise, go sa kgathalasege gore sebe ke se se kana kang. Lerato la nnete le rata ka go sa lebelele sepe.
- (Modimo) O rometse morwa one o esi gore ka ene lefatshe le pholosiwe.
- Go na le kgato tse pedi:
- Yo o dumelang mo go Ene, ga a sekisiwe – Ga go na tlhokego ya go ntsha lebaka.
- Yo o sa dumeleng o sekisitswe – Lebaka le bonala fa le ntshitswe.
Tshwetso ya ntlha ke ya gago e bile ga o e lefele/ ke ya mahala, ebile tuelo ya tshwetso eo ke botshelo jo bo sa feleng. Tshwetso ya bobedi ke ya gago, le yone ga e lefelwe/ke ya mahala, mme tuelo ya yone ke tshenyo/ loso.
- Tshekiso ke pholo ya tshwetso ya motho. Lesedi le le tlang mo lefatsheng ke tshekiso go ba ba sa batleng go dumela. Ditiro tsa bone ke tsa bosula ka tlholego, mme lesedi (Jesu) le a ba senola.
- A ga se bosetlhogo gore batho ba tla sekisiwa gore ga ba a tsaya kgotsa ga ba a batla go tsaya tshwetso ya go amogela mpho ya Modimo?. Nyaa, ka gonne mo letlhakoreng le lengwe o na le ba ba neng ba ka sekisiwa mme ba se kitla ba sekisiwa ka gonne ba tshotse tshwetso ya go amogela mpho ya Modimo.
Modimo, Rraetso, ga a romela Jesu mo lefatsheng fela gore boloka mo kotlhaong ya sebe. Jesu ka sebele, o ne a tshwanetse go swela dibe tsa batho. A swa ka tsela e setlhogo mo sefapanong, Jesu a tsaya/rwala dibe tsa rona mo go ene gore a re golole mo dibeng.
Sekao se se bonolo go tlhalosa seno se re ka se fang, ke se: O kolota banka tshelete (madi) mme o palelwa ke go lefa (duela) sekoloto (molato) sa gago. O mo mathateng, mme o lebanwe ke go ka latlhwegelwa ke tsotlhe tse o itseng di le botlhokwa. Mme moeng a utlwe ka se, a go neye tshelete (madi) gore o lefe (duele) sekoloto (molato) sa gago. Lantlha, ga o battle go amogela seno, ka gore ga o dumele gore motho a ka duela (molato) sekoloto sa gago ka chelete (madi) ya gagwe. Mme fa o bona gore moeng ono o tiisitse, o a amogela gore o tla duela (lefa) sekoloto (molato) sa gago. O mo fa dintlha tsa gago tsa banka, mme moeng ono o duela sekoloto (molato) sa gago. Jannong ka sekoloto (molato) se duetswe, ga o sa kolota sepe, mme ga o latlhegelwe ke dilo tsa gago. Banka e kgotsofetse gore sekoloto se duetswe mme le leina la gago le a phimolwa. Go feta moo, o lemoga gore moeng ono, o go rata go go le gokae gore a ntshe tshelete (madi) ya gagwe go go golola. Mme ka ntlha ya seno, lo fetoga ditsala tsa bosakhutleng.
Tshelete e re e kolotang, ke sebe se se mo matshelong a rona. Modimo o boitshepo mme ka ntlha ya seno, ga a letlelele sebe mo bonnong jwa gagwe. Sebe sag ago se kaya gore o tlile go swa ebile ga o kitla o nna mo Modimo a leng teng. Modimo, Rraetsho, ka gore a ratile lefatshe, a romela Morwa One o esi mo lefatsheng, gore a eme mo boemong jwa modiradibe mme a duele tlhwatlhwa. O (Jesu) ne a tshwanetse go swela mo sefapanong gore o seka wa swela mo dibeng tsa gago. Ka tsela e, Jesu o duetse sekoloto (molato) mme leina la gago le phumotswe, fa o amogela seno.
Lerato le a nang le lona la gago, le legolo mo eleng gore o ne a ipaakanyeditse go go duelela sekoloto (molato) wena, yo o buisang fano. Go kgonagala jang gore o seka wa amogela bomolemo jo bokanakana, ebile o mo rate botshelo jwa gago jotlhe? Se se gakgamatsang go feta ke gore Jesu ga a swa fela mo sefapanong a swela dibe tsa gago, mme O boetse a tshela gape, a dira bonnete jwa gore leso le se ka la tshwarelela ba ba dumelang mo go Ene jaaka Mopholosi wa bone. Se ke motheo wa tumelo mo Modimong-gore re dumele mo go Jesu yo Modimo a mo rometseng mo lefatsheng.
Lerato la Modimo Raarona, le a makatsa mo e leng gore mokwalo yo o o buisang ga jaana, Johane 3:16, e bua fela ere, O ntshitse Morwa One o o Esi. Kgang ya gore Jesu o ne a tshwanetse go swa mo sefapanong e builwe gape mo temang ya bo14. O re ratile go feta boleng jwa botshelo jwa Morwaaone. Re seka ra dumela gore tshepiso ya Johane 3:16 e fekeediwe ke tlhwatlhwa- loso lwa Morwa Modimo mo sefapanong. Kwantle ga sefapano, ga gona botshelo jo bo sa khutlheng.
Nka dumela jang mo go Ene?
Dikgato ke tse nne:
- Itemogele
- Ikotlhaye
- Ikopele
- Amogela
Setshwantsho sa video se se fa tlase fano se tlhalosa Johane 3:16 ka tsela e e gakgamatsang. O ka ba latela mo seweding sa bona sa YouTube. Follow their YouTube channel.