
Maitemogelo a me ka bonna
6 May 2020
Ka metlha ke ne ke itsaya jaaka motho yo o poraefete kana yo o sa tlatsatlatseng ka tsa botshelo jwa gagwe, segolobolo mo nakong e re leng mo yo yona ya gompieno ya thekenoloji. Ga o gake wa bona tshedimosetso epe ka nna mo mafaratlhatlheng kana mo inthanete, mme fa o ka kgabola leina la me, go a kgonagala gore e ka tswa e le mongwe yo o nang le leina le le tshwanang le lame. Ke motho yo o dirang ka tsa thekenoloji le inthanete, mme ke dira thata ka khomputara le ka inthanete. Mme ga ke ikgolaganye mo ditlhaeletsanong (ditlhaeletsanong). Ga ke tlhaloganye gore ke eng fa batho ba goeletsa thata ka dilo tse di maswe tse ba di dirang, jaaka re tlhola re iponela mo ditlhaeletsanong (social media). Goreng nka kwala bukana eno mme ka e baya mo mafaratlhatlheng kana mo inthanete?
Santlha fela, leina lame le kwadilwe mo bukeng ya botshelo, ke ka moo ke senang bothata jwa go ka abelana seno mo phatlhalatseng. Sa bobedi, ke dira seno ka gonne ke dumela gore seno se ka tswela batho ba bangwe mosola gore ba tsee tshwetso e e botlhokwa mo matshelong a bone- go latela Modimo mme o diragatsa maikaelelo a Modimo a nang le one ka matshelo a rona. Dilo tse dintsi di ntiragaletse tse nka se di kwaleng fano, ka gonne ga di botlhokwa. Go fitlha ga jaana, botshelo jwa me ke ntse ke bo tshela jaaka modumedi mo go Jesu Kreste. Pele ga moo, ke ne ke tshela botshelo jwa me kgakala le Modimo. Mme ka nako eo, ke ne ithaya kere botshelo jwa me bo siame, mme fela ke ne ke eletsa go le gontsi. Mme monyetla o ne wa tla gabedi, gore ke amogele Jesu Kreste jaaka Molaudi le Mopholosi wa botshelo jwa me, mme ka gana. Mme batho ba babedi bao ba neng ba mpha menyetla e, ga ba a lemoga gore ka nako eo, ba ne ba jala peo e e leng gore, fa botshelo jwa me bo ntse bo ya, bo tla fetoga. A Modimo a ba segofatse, ka gore ba ne ba dumela mo go anamiseng molaetsa le fa nna ka nako eo, ke sa o amogela.
E ne e le ka ngwaga wa 1989 fa ke tshwanetse gore ke tsee tshwetso ya gore ke tsaya tsela efe. Ke rata poko. Go na le poko e e buang ka ga go tsaya tshwetso mme e simolola jaana:
Ditsela tse pedi di a fapana mo legonnye le le serolwana
Ke maswabi gore ga ke a tsamaya ditsela tseo tsotlhe
Mme ke nne motsamai/moeti yo o nosi, ka ema sebaka
Ka leba mo fatshe go fitlha fa matlho a me a ntetlelelang
Go bona jaaka e kobega mo ditlhatshaneng.
Bothata ke gore, seno se bontsha gore bontsi jwa rona re batho ba ba ntseng jang, re batla borotho jwa rona bo tlotswa matlhakori otlhe. A ga go kitla go nna monate fa o dumela mo go Jesu, mme re dira tse re di batlang ka nako ya rona? Mokwadi wa poko eno a ka tswa a na le kakanyo e e tshwanang mo tlhaloganyong. O leba mo tseleng, go bona gore e arogana kae, mme o utlwa botlhoko fa a bona gore a ka se tsee ditsela tseo tsotlhe ka nako e le nosi. Mme botshelo ga bo tsamaye jalo.
Tshwetso yame e tlile fa modirikanna a ne a abelana ka efangeli ya Jesu Kreste le nna. O ne a mpotsa gore a ke amogetse Jesu Kreste, mme ka mo latolela. O ne a mpotsa potso e tlhamaletseng, mme ka mo fa karabo e tlhamaletseng. O ka se bue maaka fa Modimo a itse maikaelelo otlhe a mo pelong ya gago ebile a utlwa lefoko lengwe le lengwe le o le buang. Ke akanya gore modirimmogokanna o ne a lemoga gore ke motho yo o akanyang thata ka dilo mme mo ntlheng e, molaetsa ga o atla ka molomo, mme o tlile ka pampitshana e a mphileng yone. Pampitshana eno, ke sa ntse ke na le yone mo Beibeleng ya me le gompieno. Ke pampitshana e pududu e e bidiwang melao e mene ya semowa. Ke ne ka buisa pampitshana eno, mme sengwe le sengwe sa simolola go tlhaloganyesega kana go utlwagala. (Campus Crusade for Christ)
Go fitlha gompieno, ke santse ke gopola nako, letlha, le lefelo leo ke ileng ka neela botshelo jwa me mo go Jesu. E ne e le ka Labobedi, ka di 5 tsa Sedimonthole ka ngwaga wa 1989, ka ura ya bone thapama, ke le esi mo foleteng, kana mo ntlonyaneng yame. E ne e le botsalosesha jwa me. Motho wa bogologolo o ne a swa, mme sengwe le sengwe sa dira boswa (Bakorinthe 5:17). Fa modirikanna a ne a bua le nna ka ga seno letsatsi le le latelang, ka mmotsa gore goreng a ne a nnaya pampitshana eno, mme a sa buisane le nna ka bonna, a nkaraba ka gore o ne a ikutlwa fela gore ke tlhoka nako ya me ke le nosi le Modimo. Ke leboga seno, le fa dingwaga di ntse di feta, ke ntse ke rera efangeli le ba bangwe. Ka tsela e nngwe, motho yo o go etelelang gore o amogele Jesu, e nna mokaedi wa gago wa dilo tsa mowa- Rre, Mme, mme seno se ntsamaisitse thata mo dingwageng.
Tshimologo ya tsela ya me ya bodumedi kana ya semowa, e nnile thata, ke ne ke itemogela dikgothakgothano mo ke neng ke tsamaya teng. Seo e ne le sesupo ka nnete ya gore ke pholositswe. O a bona go latela Jesu Kreste go tla ka dikgwetlo tse di ntsi, mme le gone o ka se nne modumedi fela osa nne le dipogiso tse di rileng. Tumelo le pogiso di tsamaya tsotlhe, seno ke tshwetso e o e tshotseng fa o ne o leba ditsela tse pedi. O tla sotlwa ke batho ba o neng o ithaya gore ke ditsala tsa gago, fela ka gonne o fetotse ka mokgwa o botshelo jwa gago bo leng ka teng. Sekai ka kgothakgothano ke gore ke ne ka kgaogana le mong wa me o ke neng ke mo direla, Modimo o ne a dumela gore ke tswale kgoro e le nngwe eo, fela dikgoro tse dikima tse pedi, di ne tsa bulega mo dikgweding di se nene. Mme le mo nakong e thata eno, Modimo, e leng Rara, o ne a ntlhokomela. Ka ebile ke le morwaone le nna.
Tsela ya botshelo jwa gago e tletse ka dilo tse o tshwanetseng go di dira: go aga tiro, lenyalo, go nna le bana, go reka bodulo, go duela dikoloto, mme mo go tsotlhe tse, go bonolo go tseatseega mme o latlhegelwe ke mogopolo. Mme fa o tlhakanya seno le seo botshelo jwa gago jo o bo go golagantseng le semowa bo se tlhokang, go bonolo go ka tswa mo tseleng. Seno se batlile go diragala ka nna. Kwantle ga gore ke na le dithuto tsa bodumedi, le gore ke ne ke fetsa nako ke le mo bodireding jwa kereke, ke ne ke sa kgotsofale. Ka gongwe go ne go na le botlhogoethata mo go nna, karolo nngwe ya botshelo jwa me ga e ise e ineele yotlhe mo Modimong. Mme temana eno e ne ya nkgogela:
20Ke bapotswe le Keresete, le fa go ntse jalo ke tshedile; le fa go ntse jalo e be e sa tlhole e le nna, mme ke Keresete o tshedileng mo go nna; botshelo jo ke bo tshedileng jaanong mo nameng, ke bo tshelela mo tumelong e bong tumelo e e mo go Morwa modimo, yo o nthatileng, a ba a intshetsa nna. – Galatians 2:20
Go bapolwa ke Kreste go raya gore o ineela mo go ene ka gotlhe, gore thato ya gagwe le tsela ya gagwe e bonagale mo botshelong jwa gago. Seno ga se ree gore ga o sa tlhola o nna teng jaaka motho. Mo boemong jwa botshelo jo o ntseng o bo tshela, o tshela botshelo jo bo senolang kana bo kaya fa Jesu a le mo gare ga gago. Goreng? Gonne Jesu o a go rata, ebile o intshitse gore o kgone go tshela. A ga go makatse gore go ntseile sebaka gore ke fitlhe mo ntlheng eno? Rotlhe re rata go boloka borona jwa kgale. Modimo ga o kake wa dira ka rona fa re santse re na le borona jwa kgale, mme fa a go tlhoka, o tla dira gore o neele bowena jwa kgale.
Seno, se ntse se se bonolo, mme letsatsi le lengwe le le lengwe go na le dinako dingwe tse ke lebalang gore seno ga se ka ga me, mme ke ka ga Jesu yo o leng mo gare ga me. Ga se ka ga botshelo jo ke bo etelelang pele, mme ke ka ga tumelo e a e tlhokang mo go nna. Jaaka rona rotlhe, re dira diphoso, mme fela, se se gakgamatsang ka ga lerato la Modimo ke boitshwarelo jwa Modimo, le dikaelo tse a re fang tsone ka mowa o o boitshepo.
Ke ithutile gore modumedi waga Kreste ga a tshele ka go tlwaela. Ka nako dingwe re aga mabota a a re dikologang gore a nne diiphemelo tsa rona mo mathateng a botshelo. Seno e ka nna go ganwa/ go latolwa ke balosika le ditsala, kana go lebanwa ke dipogiso fela ka gore o dumela mo go Kreste. Ebile gape go na le go sekegela thato ya Modimo fa re batla go dira ka tsela ya rona. Tuelo ya go latela Jesu Kretse e kwadilwe, ka mafoko a bonalang, gore re lekanye tuelo pele ga re tsaya tshwetso.
Gonne ke tsile go lotlhanya monna le rragwe, mosetsana le mmagwe le ngwetsi le matsalaagwe; ;le dira tsa motho e tla nna tsone tsa ntlo ya gagwe. Yo o ratang rragwe kgotsa mmagwe bogolo go nna, ga a ntshwanela, le yo o ratang morwae kgotsa morwadie bogolo go nna, ga a ntshwanela. – Mathaio 10:35-37
Seno ga se ree gore go ka diragala ka dinako tsotlhe gore balosika le ditsala ba se ka ba go amogela jaaka modumedi. O tshwanetse o dire ka thata go netefatsa gore ba losika la gago ba botlhe ba itse fa o latela Jesu. Mme fa ba sa eletse go fetoga, o tla tshwanela ke go dira tshwetso e thata, e e go siametseng. Fa o tlhakanya , gonne batho bano e le batho ba ba gaufi thata le rona, seno se dira gore go nne thata go tlhaloganya gore re tshwanetse gore re bee Jesu kwa pele.
24Foo Jesu a raya barutwana ba gagwe a re: Fa motho le fa e le mang a rata go ntshala moragp, a a itatole, mme a a tseye mokgoro wa gagwe a itse go ntshala morago. Gonne le fa e le mang yo o ratang a kabo a boloka botshelo jwa gagwe, bo tlaa mo latlhegela, mme yo o latlhegelwang ke botshelo jwa gagwe, ka ntlha ya me, o tlaa bo bona. – Mathaio 16:24-25
12Ee le botlhe ba ba ratang go tshela ka poifomodimo mo go Kretse Jesu ba tlaa bona pogiso. – 2 Timotheo 3:12
Mme o kwalela seno le phuthego ya Bafilipi:
21Gonne mo go nna, go tshela ke Kreste, mme go swa ke poelo. – Bafilipi 1:21
Bangwe ba rona ba ba nang lelemorago la “Bokreste”, bogolo jang ba ba tswang kwa dinageng tse e leng gore ga go a nna le pogiso ya Bakreste, go bonolo thata mo go rona. Seno ke sone se diabolo a se batlang, gore a go etelle pele ka maikutlo a maaka a gore o sireletsegile. Fa o batla go tshela ka mokgwa wa boKreste, o tla bogisiwa (ebile o ka bolawa). Leba mo mafaratlhatlheng ka ga bopaki jwa baKreste ba le bantsi ba ba dumelang, ba ba tswang ko dipusong tsa kgatelelo, o bone gore go diragetseng ka bona fa ba fetsa go amogela Jesu!
Re tshwanetse go buisa gore tuelo ke eng fa re latela Jesu:
28Gonne ke ofe wa lona yo e kareng fa a rata go aga kago e godileng, mme a seka a dula pele a bala madi a yone, gore a tle a itse fa a na le a a lekaneng go swetsa. – Luka 14:28
A o badile gore tuelo ke eng fa o latela Jesu? Lebelela ka kelotlhoko video e e fa tlase.
– Andries Oberholzer