
Tiragalo ya kwa Sedibeng
O fetsa go buisa temana mo Jesu a buang gore fa a re fa metsi, ga re kitla re nyorwa gape (Johane 4:13) Se se kgonega jang? Temana e e tswa mo go Johane 4:1-42, mo Jesu o ne a dutse kwa Sedibeng mme mosadi wa Mosamaria a tla go ga metsi. Ka setso sa nako eo, mosadi o ne a a nyaditswe ka lebaka la gore e le mosadi. Mme gape, mosadi o, o itemogela go tlhaolwa ka gore e le Mosamaria. Ka nako eo, Basamaria ba ne ba sa ratwe ke Majuta. Mosadi yo, ga a tle go ga metsi le basadi ba bangwe, ka e ne le setlwaedi ka dinako tseo. Mosadi yo o o tla a le nosi ka gore ebile a ilwa ke ba bangwe. Mme ebile gape o tla e sa le thapama, ka gobo go sena ope kwa ntle ka ntlha ya mogote, ebile ga go ope yo o batlang go ipona mo tseleng. Mme e bile sabofelo, ga a tshele botshelo jwa gagwe ka mokgwa o o amogelesegileng.
Jesu o mo kopa metsi gore a nwe- Akere Jesu e ne e le motho. Mosadi o wa Mosamaria o itemogela ka nosi gore le ga e kitla e nna letsatsi jaaka tlwaelo. Ga go diragale/ E ne e se tlwaelo gore monna wa moJuta a ka bua le ene, le gone ebile a mo kopa gore a mo direle sengwe. Jesu a mmolelela gore fa a ka bo a itse gore ke mang yo a buang le ena, mosadi yo o ne a tla kopa metsi a botshelo. Mosadi o a utlwa se Jesu a se buang e le se se tshegisang, mme a botsa Jesu gore o nagana gore o tla bona kae metsi a botshelo ka ebile a ne a bona Jesu a sena le kgamelo le kgwele ya go ga metsi mo sedibeng. Mme Jesu ka nako eo, fa a ne a bua metsi, o ne a bua ka metsi a mangwe. Jesu are metsi a botshelo, a e leng gore fa batho ba a latswa ga ntlha , ga a tshwane le metsi a mangwe a ba kileng ba a nwa, ebile a nyorolola ka go sa feleng. Jesu o re fa botshelo.
Mosadi wa Mosamaria a kopa Jesu gore a mo fe metsi a Jesu a buang ka one, a tlhalosa gore fa Jesu a ka mo fa one, ga a kitla a tlhola a tla go ga metsi mo sedibeng gape. Mme seno ga se se Jesu o neng a se bua. Jesu a kopa mosadi ono gore a ye go bitsa monna wa gagwe- ka gonne Jesu o ne a batla gore mosadi yo le monna wa gagwe ba amogele metsi a Jesu a tla ba neelang ka one. Mosadi wa Mosamaria a raya Jesu are ga a na monna, mme Jesu a mo dumelana le ene gore o nepile. Ga a nyalwa, mme seno ke ka mokgwa o o kileng a bo a na le banna ba le batlhano a nna le bone, mme o a nnang le ene ke wa borataro. Mosadi wa Mosamaria a tshoga, ka a bona gore Jesu o itse go le gontsi ka ene. Jesu ke Modimo mme ebile o bona tshotlhe tsa botshelo jwa gago.
Ditiro tse di maswe tsa ga diabolo
Diabolo ga a batle fa o ka neela dikeletso tsa gago ka go amogela Jesu ka gore diabolo o a itse gore ke sera ebile o ganetsana le tsotlhe tse Modimo o di dirang. Motsietsi, jaaka a itsege, ga a batle fa o ka itemogela lerato la Modimo. Diabolo o tla fela gore a senye, a bolaye, a senye, go ya ka lekwalo la Johane 10:10. Mokwadi o tsopola mafoko a Jesu fano. Jesu o tsweletsa seno ka go bua gore o kgatlhanong le ditiro tsa ga diabolo- fa diabolo a ntse a utswela batho boitumelo jwa bone. Jesu o tlile, gore re nne le botshelo jo bo sa khutlheng mme re le nne le jone ka bontsi.
Legodu ga le tle fa e se gore le utswe, le go bolaya, le go senya, mme nna ke tsile gore re bone botshelo ka letlolo. – Johane 10:10
Ke lemoga jang gore ke tlhoka Jesu?
A o itumelela maemo a o leng mo go one ga jaana? Ka gongwe o latlhegetswe ke tsotlhe tse o neng o na le sone. Eka nna dikhumo, balosika, boitekanelo, kana tiro ya gago. Ka gongwe o itemogela ka mokgwa o o tlhaolwang/ ilwang ka teng, fela jaaka mosadi wa kwa sedibeng. O ka tswa o buisa seno, mme o itemogela tlhokego. Ga re itse gore maemo a gago ke a ntseng jang, mme wena ka nosi o itse maemo a gago. Le fa o sa tlhaloganye ka botlalo tlhokego ya gago ya gago, Jesu o a itse.
Leba ka mokgwa o re kgaogantsweng ka teng mo loratong la Modimo.
Santlha, re tshwanetse go tlhaloganya se se diragetseng bogologolo, se se dirileng gore motho a tlhoke Mopholosi.
- Go tloga kwa tshimologong, morago ga go leofa ga monna/ motho, banna ba botlhe (seno se akaretsa le basadi) ba senyegile, mme ga ba kgone go latela melao ya Modimo e e siameng. Lefa Modimo a re rata go le kalo, sebe se re kgaoganya le lorato la Modimo le go nna gone ga lona mo matshelong a rona. Go diragetseng? Adamo le Efa ba ne ba na le monyetla wa go ka nna mo tshimong ya Edene ka bosakhutlheng. Ba ne ba beetswe sengwe le sengwe. Fela, go tswa kwa tshimologong diabolo, yo le ene a neng a le teng mo tshimong, a iphetotse noga, o ne a na le leano le le bontshang fa le kgona go diragala, le go tla gompieno. Se ke tsietso. Diabolo o a tsietsa, mme o dira seno ka go se bue maaka a feletseng, mme o neelana ka maaka mo go se e kabong e ne e le nnete. Diabolo o ne a botsa Efa gore a ke nnete gore Modimo o rile ba seka ba ja leungo le le mo setlhareng le Modimo a rileng le seka la jewa. Diabolo o tlile ka potso eno ya boferefere mme Efa o ne a sa itse gore a ka araba jang. A dira tshwetso e e sa siamang.
Mme fa mosadi (Efa) a bona gore Setlhare seno se molemo go jewa, se bile se kgatlha mo matlhong, le gone fa setlhare se eletsega go tlhalefisa motho, a tsaya leungo la sone, a ja. A ba a lo naya monna wa gagwe (Adamo) a na nae, le ene a ja. Ka tshoganyetso matlho a bone boo babedi a buduloga, ba itemoga fa ba sa ikatega, mme ba rokaganya matlhare a mofeiye, ba itirela diaparo. – Genesi 3:6-7
- Tlolomolao e nnye fela ya motho a le nosi, e dirile gore batho ba botlhe ba bonwe ba le molato. Ditlamorago ke gore motho ga a ka ke a siama. Go fitlha le ga jaana, ga go ope yo o tsalwang/ yo o nang le tshiamo mo go ene, le wena tota, le fa o latela melao. Mme fela, ka tsela e ditiro tsa motho di dirileng gore motho a we, jaanong le ka motho a le nosi, sebe sa motho se ka dirololwa.
Gonne jaaka ba ba leng bantsi ba dirilwe baleofi ka go tlhoka go utlwa ga motho yo mongwe fela, go ntse jalo ba ba leng bantsi ba tlaa dirwa tshiamo ka go utlwa ga motho yo motho mongwe fela – Baroma 5:19
- Dipelo tsa rona di tletse ka sebe, go sa kgathalesege gore re a dumela kana ga re dumele. Ke nnete. Nagana ka ditiro tsa gago o le nosi. Go sa kgathalesege gore re a dumela, ke tlholego ya rona gore re dire tse di sa tshwanelang.
Gonne botlhe ba leofile, ba tlhaetse kgalaletso ya Modimo. – Baroma 3:23
- Ga re a ikgethela gore re nne badiradibe. Re tsetswe re le badiradibe. Seno ke tsone dipholo tsa go wa ga motho.
Ke gone, jaaka boleo bo tsene mo lefatsheng ka motho a le mongwe fela, le loso ka boleo, mme jalo loso lwa fetela mo bathong botlhe. – Baroma 5:12
- Re swetse mo dibeng tsa rona, re sule mo eleng gore ga re lemoge. Ka nnete, ka dinako tse dingwe re dira dilo tse di sa siamang thata mo eleng gore fa re nna badumedi, mme re leba kwa morago, re a tshoga fa re bona tse re di dirileng. Mme yo o sa dumeleng, ga a bone ka tsela ya gagwe. Go ya ka ba ba sa dumeleng, sengwe le sengwe se dumelesegile.
Le lona o lo rudisitse, jaaka fa lo ne lo sule ka ditlolo tsa lona le dibe – Baefeso 2:1
- Re malata a dibe tsa rona, mme re tswela pele ka go dira dibe gore re fepe dikeletso tsa rona. Se o leng lelata la sona, ke se o tla nnang o se dira. O tshwerwe ke serai sa ga diabolo mme ekete ga gona ka mokgwa o o ka tswang ka teng.
Gonne erile fa lo le batlhanka ba boleo, lwa bo lo gololesegile ka ga tshiamo. – Baroma 6:20
- Diabolo o re foufatsa mo dibeng tsa rona, gore re seka, ebile re seka ra kgona go bona sebe sa rona.
Le fa Efangeli/ Mafoko a molemo a rona e siregile, a siregetse fela go bao ba swang. Mo go ba modimo wa lefatshe leno o foufaditseng megopolo ya ba ba sa dumeleng , gore lesedi la mafoko a molemo a kgalalelo ya ga Kreste, yo e leng setshwano sa Modimo, le seka la ba phatshimela. – 2 Corinthians 4:3-4
- Re diganana, le fa re leka go tshela botshelo jo bo phepa, ga re kgone. Go le gantsi re rata thata go fitlha sebe sa rona mo lefifing gore go se nne le ope yo o se bonang. Mme se se maswe, re dira sebe mo phatlhalatseng gore mongwe le mongwe a se bone.
Tshekiso ke e, gore lesedi le tsile mo lefatsheng, mme batho ba ratile lefifi bogolo go lesedi, gonne ditiro tsa bone di ne di le bosula. – Johane 3:19
- Ga re tlhaloganye boitshepo jwa Modimo ke ka mokgwa o re ka se mo kgotsofatseng.
Ba ba laolwang ke nama, ga ba ka ke ba kgatlha Modimo. – Baroma 8:8
Dintlha tse di fa godimo, di dirisitswe ka tetlelelo mme tlhaloso ya ka botlalo e ka bonwa fano. Ke leboga mokwadi wa ntlha go ntumelela go dirisa tshedimosetso eno go tswa mo websiteng ya gagwe.
A o a lemoga jaanong gore o tlhoka metsi a botshelo a Jesu a re a nayang?