Receive His foregiveness

Leano la Modimo ka botshelo jwa gago le kgethegile

Ke nna tsela, le boammaaruri, le botshelo, ga go tle ope mo go Rara fa e se ka nna.Johane 14:6
  1. Jesu are ke Ene tsela, e motho a tshwanetseng go e tsaya gore a fitlhe kwa go Rara le kwa legodimong. Ditumelo tse dingwe tsa sedumedi di go ruta gore o tla tsena kwa legodimong ka motho yo mongwe, ka medimo kana medingwana, kana ka ditiro, Ga a ise are o tla re bontsha ditsela tse dintsi kana tse dingwe. Jesu kanosi ke ene fela tsela e le nosi.
  2. O tswelela pele ka go re ke nnete. Ga a bue maaka, mme ebile thomo ya gagwe mo lefatsheng e ne e le go bua nnete, le go senola nnete go botlhe. Jesu ga a a ka solofetsa gore nnete e ka bonwa mo mothong mongwe. Ene ka nosi, ke nnete.
  3. La bofelo are Ke Botshelo. Ka ntlha ya loso lwa gagwe, le tsogo ya gagwe, re ka kgona go nna le botshelo, mme fela ka gagwe kana fela ka ntlha ya gagwe. Ga gona tumelo kana tsamaiso epe e e re neelang botshelo ka bonnete. Ka ditsamaiso tsa ditumelo, o ka bona botshelo jwa nnete fa fela kana gongwe: fa ditiro tsa gago di bonwa di kgotsofatsa, ka gongwe o ka fitlhela legodimo. Go na le kgonagalo ya gore o seka wa fitlhelela legodimo. Jesu ke ene fela tlhomamiso e e feletseng ya rona ya botshelo. Ka gobo a tshela, le nna ke kgona go tshela.li>

Fa o sa itse gore o lebile ka emo botshelong, Jesu ke ene a go kaelang tsela, ke ene fela tsela. Fa o tlhakane tlhogo, Jesu ke ene fela tlhaloso e e phephafetseng. Fa o sule mo gare ka gobo tsamaiso ya tumelo ya gago e sa go kgotsofatse, Jesu ke ene fela tshono ya gago, botshelo bo le bongwe fela.

Karolo ya bobedi ya temana eno ke senotlolo. Ga go ope yo o tlang mo go Rara, fa e se ka nna. Mafoko a ntlha a Jesu a a buang, ke gore ke Ene fela tsela, a golagana le mafoko a bofelo. Buisa seno ka kelotlhoko mme o tlhaloganye:

  1. Ga go ope – Ga go motho le a le nosi, o o fetileng kana wa jaanong
  2. O o tlang mo go Rara – yo o tla kgonang go fitlhelela botshelo jo bo sa khutlheng (Legodimo)
  3. Fa e se ka ga nna – fa ba sa bone Jesu jaaka tsela e le nosi.

Ga go Modimo ope, fa e se Modimo Rara, yo Morwa wa gagwe eleng Jesu.

Ga go na ka tsela epe bile mongwe le mongwe yo o batlang go filthelela kwa go Rara (legodimong) o tla fitlhelela fela ka ntlha ya ga Jesu. Loso lwa ga Jesu mo sefapaanong, le tsogo ya gagwe ke boammaaruri. Ke ka ga Ene fela ka ntlha ya tumelo mo go Jesu mo re ka kgonang go rarabolola phatlha e e mo gare ga modiradibe le Modimo.

Mme botlhe ba ba mo tshotseng, a ba naya tshiamelo ya go nna bana ba Modimo, ebong bone ba ba dumetseng mo leineng la gagwe, e le ba ba se kang ba tswalwa ke madi, le fa e le ke go rata ga nama, le fa e le go rata ga motho, fa e se ka Modimo. – Johane 1:12

Temana e e na le bonnete jo bo gakgamatsang. Tshiamelo ya gago ya gore o nne ngwana wa Modimo ga e tswe ka gore o wa morafe ofe, kana ka tshwetso ya motho mongwe, kana lebaka la gore o tsetswe ke batsadi ba ba dumelang kana tumelo e o tshwanetseng o itshwarelele ka yone. O tsalwa seshwa ka gore Modimo a tshotse tshetswo eo, ka ntlha ya tshwetso e o e tshotseng. Modimo o ameogela batho gotswa mo metsamaong yotlhe ya botshelo, go tswa mo lefatsheng ka bophara.

Morago ga dilo tse ka leba, mme bonang, boidiidi jo bogolo jwa batho jo bo seng motho ope yo o ka bo balang, e le ba morafe mongwe le mongwe, le ba ditso tsotlhe, le batho, le dipuo..." – Tshenolo 7:9

Re amogela Jesu ka ntlha ya tumelo. O baya botshelo jwa gago mo diatleng tsa gagwe. Gore o amogele Jesu, ga go tlhokege gore o tlhapisiwe go ya ka dingwaokobamelo dipe kana go tlontlololwa le go feta. O kopa Jesu gore a tsene mo botshelong jwa gago, o fetoge go ya go ile.

Morena Jesu, ke a lemoga gore kgale ke le modiradibe le gore ka ntlha ya seno, ke kgaogantswe le Modimo mme ga ke kgone go itemogela lerato la gagwe mo go nna. Ke a lemoga jaanong gore ke wena fela tsela e le nngwe ya go fitlhelela kwa go Rara. Ke a sokologa mme ke ikgatolosa dibe tsa me mme ke go lopa gore o tsene mo botshelong jwa me mme o mpholose. Ke amogela lerato la gago jaaka Rara a nkamogela. Ke baya tshepo yame mo go Wena, ka ntlha ya tetlanyo e o e dirileng ka madi a gago mo sefapaanong kwa Gologotha. O sule mo boemong jwa me, gore ke seka ka tshwara morwalo wa dibe. Ke go neela botshelo jwa me gore o bo laole go tloga letsatsi la gompieno. Ke dumela fa ke bipilwe kana ke sireleditswe ke madi a Jesu Kreste go tloga gompieno go fitlhelela.

Lerato la Modimo le teng go botlhe, mme le molaetsa wa Gagwe o bonolo thata go ka tlhaloganngwa ke botlhe. Lerato la gagwe ga le a nna teng gore le fitlhelelwe ka melao e e leng gore o tla palelwa ke go e latela yotlhe. Lerato la gagwe le tshwanetse go amogelwa ka tumelo, tumelo e e tiileng ya gore Modimo o tla dira se a se solofeditseng. Re a pholosiwa fa re itshoka go fitlha kwa bofelong.

Buisa bukana eno ka popego ya PDF.