
Go tsaya kgato ya gago ya ntlha jaaka modumedi
O dira eng jaanong? Fa o setse o itemogetse lerato la Jesu lwantlha ka ntlha ya pholoso, ke eng o sa simololole ka go tshela go ya ka lorato la Jesu mo botshelong jwa gago. Simololola ka ba ba gaufi le wena. A go ka nna bonolo? Nyaa. Ba ba leng gaufi le wena ba kabo ba santse ba itshwareletse ka melao e e leng gore wena o golotswe mo go yone, mme le matlho a bone a ka tswa a santse a tswalegetse nnete. Mme o tshwanetse ke go bontsha phetogo e e mo botshelong jwa gago. Simolola ka go ba rapelela. Mme o tla iponela gore le wena mongwe o go rapeletse gore o tle o pholosiwe.. Tse ke dilo tse dintsi tse o ka di dirang go ka go thusa mo tseleng ya gago jaaka modumedi yo moswa wa Jesu:
- Buisa Beibele ya gago letsatsi le lengwe le le lengwe. Inee nako, o dire nako. Modumedi yo moswa o tshwana le sepontshe- o tla batla go tsaya Metsi a botshelo a le mantsi ka mokgwa o a ka kgonang ka teng. Fa o le moswa mo Beibeleng, simolola ka Efangeli ya ga Johane. Ga se gore o tshwanetse go simolola ka Genesi wa feletsa ka Tshenolo. Mo nakong e jaaka modumedi yo moswa, o seka wa gaelelwa mo dipotsong tsa sedumedi ka ga dibuka tseno. Di botlhokwa, mme fela boteng jwa efangeli bo bonwa mo testamenteng e ntshwa.
- Rapela o sa kgaotse. Boemo jo bongwe le jo bongwe bo siametse thapelo. Bona nako, o dire nako. Nagana ka dilo tse o ka lebogang Modimo ka tsone! Go le gantsi re tsaya nako re kopa go direlwa go na le go fa Modimo kobamelo e mo tshwanetseng. Rapelela ba o ba itseng, le ba o itseng gore ba tlhoka lerato la Jesu mo matshelong a bone. Rapela gore Mowa o Boitshepo o go ntlafatse ebile o kaele dithapelo tsa gago.
- Bona ba bangwe ba ba itseng ebile ba rata Jesu. Batho ba rata go bua bare badumedi ba tshwana le magala a mollo, ba a kgothatsana. Beela lengwe la magala ao fa thoko nakwana, mme le tla tsidifala, mme le mollo wa teng o swe. Bolekane jwa sekeresete bo a tlhokega.
- Ikgolaganye le setlhotswana sa badumedi. Ba tla go thusa go bona kereke/go nna leloko la kereke. Tsenelela le badumedi jaaka wena mo kerekeng, kgotsana o nne leloko la go ka ithuta Beibele. Nna leloko la kereke mme o tlhokomele gore o seka wa baya ditsholofetso tse di kwa godimo, mme o fetse o swabile. Baeteledipele ba kereke ke batho, fela jaaka ba bangwe ba eleng leloko la kereke. O bulegele go ka etelelwa ke mowa o Boitshepo. Go sa kgathalasege gore o mang, o na le dingwaga tse kae, kereke e mo tikologong ya gago kgotsa e gaufi le wena e o ka e nnang leloko la yone e tla nna le mananeo a o ka nnang leloko la one gore o kgone go ka amana le ba kereke.
- O se ka wa swaba (wa nyema moko) fa go se bonolo. Jesu ga a re solofetsa gore re ka nna le botshelo jo bo bonolo. O tla itemogela borukhutlhi le go tlhaselwa ke diabolo. Se se bosula ke gore diabolo o dirisa batho, le ba o ba ratang! Fa seno se diragala , o tlhaloganye gore seno se leka go go kgoba marapo. Nametsega mo thapelo.
16Lokwalo longwe le longwe lo lo kwadilweng ka tlhotlheletso ya Modimo, lo bile lo molemo go ruta, le go kgalemela, le go sokolola, le go kaela ka tshiamo – 2 Timotheo 3:16
17Itumeleng ka metlha yotlhe, lo rapeleng ka go bitsa go khutla, lebogang mo dilong tsotlhe, gonne mo, ke go rata ga Modimo mo go Keresete Jesu ka ga lona. – 1 Thessalonians 5:17
1Ke gone, nna mogolegwa mo Moreneng, ke lo rapela thata, gore lo tsamaye mo pitsong e lo biditsweng ka yone. 2Ka boikokobetso jotlhe le bonolo, le ka bopelotelele, ka go iphapaanya mo loratong, 3le ka go tlhoafalela go tshegetsa bongwe fela jwa mowa mo tumalanong ya kagiso. – Ephesians 4:1-3
41Foo ba ba amogetseng lefoko la gagwe ba kolobediwa, ba okediwa ka letsatsi leo, e ka ne e ele batho ba le dikete tse tharo. 42Ba nnela ruri mo thutong le bo bongwefeleng le baaposetole, le mo go ngathoganyeng sengwe le mo merapelong. 43 Mme poifo ya wela mewa yotlhe, dikgakgamatso le ditshupo di le dintsi tsa dirwa ke baaposetole. 44Botlhe ba ba dumetseng ba nna mmogo, ba tlhakanela dilo tsotlhe; 45ba rekisa dithuo tsa bone le dilwana, ba abela botlhe ka fa mongwe le mongwe o tlhokang ka teng. 46Ba tlhomaganya malatsi ba nnetse ruri ka bongwefela jwa pelo mo tempeleng, le mo go nathoganyeng senkgwe, mo magabone ba ja dijo tsa bone ka boitumelo le ka pelo e e tlhophegileng. 47Ba baka Modimo, ba bona botsalano mo bathong botlhe. Morena a ba oketsa ka go tlhomagana ga malatsi ka ba ba bolokwang. – Acts 2:41-47
33Dilo tse ke di buile le lona, gore lo nne le kagiso mo go nna. Mo lefatsheng lo na le pitlagano, mme nametsegang, ke fentse lefatshe.” – Johane 16:33
A go raya gore o tshwanetse go ya lefatsheng le sele o nne morongwa? Nnyaa. Le fa Modimo o bitsa ba ba rileng gore ba tswe ba rere lerato la Jesu go ba bangwe, o tshwanetse go bontsha lerato mo go ba ba mo tikologong ya gago, ba ba buang leleme la gago, le ba setso sa gago ba o ba itseng. Fa e le gore ka nako nngwe mo nakong e tlang, o itemogela fa go tlhokega gore o tswe o ye lefatsheng lengwe gore o bontshe lerato la Jesu, o tla dira seno ka gobo Modimo a go tlhopile go dira seno. O tla go itsise seno mo pelong ya gago ka go dirisa Mowa o boitshepo.
Letlelela lerato la Jesu mo go wena gore le gogele batho ba bangwe mo go wena mme o tla nna le monyetla o siameng gore o ba bolelele gore ka nnete ke mang yo ba mmatlang mo go wena. Ba batla Jesu, mme fa o na le Jesu mo botshelong jwa gago, o bontsha/kgantsha lerato la Jesu, jaanong ba tla bo ba mmone mo go wena. Tswelela pele go rata ba ba sa leng mo maemong a o kileng wa bo o le mo go one. Ba tlhoka lerato la Jesu, fela jaaka le wena o ne o le tlhoka.
Ga jaana o modumedi o moswa. O sejalo se se nnye, se se tshwanelwang ke go gola, le go tlhokomelwa. Fela jaaka sejalo se ka kgona go itlhokomela go fitlha kgonagalo e e rileng, o tlhoka thuso go tswa go ba bangwe, mme ba tla go tlhokomela. Ke ka moo bolekane jwa Bakeresete bo le botlhokwa thata. Tsweetswee latela link (kgokagano) e e fa tlase e mme o buise Efangeli ya ga Johane Kgaolo ya Boraro, gape.