
Palo ya lefoko ya ga Johane
27 Motsheganong 2020
Lemorago la webosite eno ke kgaolo ya boraro ya efangeli ya ga Johane. Go e tlhaloganya ka botlalo, o tshwanetse go e bona ka ditemana tse di lokologileng. Go bonolo gore o ka tlhatlhakanya dilo. Gotlhe mo efangeling ya ga Johane, mokwadi ga a ikitsitse, kana go dirisa leina la gagwe, mme fela o dirisa/ bua fela ka leina la ga Johane wa Mokolobetsi. Ke ka moo re tshwanetsetseng go ela tlhoko fa re buisa palo ya gagwe. A mokwadi o itshupa fa e le Johane wa Moapostola, kana go mongwe wa leina le le tshwanang le la ga Johane wa Mokolobetsi?
Kgaolo ya ntlha
Lefoko e nna nama
Johane o simolola ka go tlhalosa kgaolo ya ntlha gore Jesu ke lefoko, yo e neng e le ene kwa tshimologong (1:1-5). Sengwe le sengwe se se tlholegileng, ke ka ntlha ya gagwe. Mokwadi jaanong o ikitsise fa e le Johane wa Mokolobetsi (temana 6). Mokwadi o tlhalosa ka go bonagala gore Johane yono, e ne e se lesedi, mme a nna paki ya Lesedi (temana 9). Ntlha e nngwe ya tshedimosetso e e latelang e bonwa mo go temana 11 le 12. Batho ba gagwe (e leng Bajuta) ga ba a mo amogela. Mme fela botlhe (ekatswa e le Bajuta kana e se Bajuta) ba ba mo amogetseng, o ba file maatla a go nna bana ba Modimo. Temana eno ke yone e etelelang pele Johane 3:16. O neile ba ba dumelang mo Leineng la Gagwe tetla ya ko ka nna bana ba Modimo. Lefoko la nna nama (temana 14) mme la nna mo lefatsheng dingwaga di le 33 mo eleng gore batho ba ne be bona kgalaletso ya one.
Mokwadi o godisa tlhaloso ya gagwe ya thomo ya ga Johane wa Mokolobetsi (temana 15), a paka ka ga Lefoko. Fa a araba dipotso tse di tswang go baeteledipele ba sedumedi, o gatelela gore ga se Kreste (temana 20_) mme fela ke ene yo o goelelatsang mo nageng gore a bulele Morena tsela e e tlhomameng (Mokwadi o nopola go tswa go Isaia 40:3). O tswela pele ka go tlhalosa thomo ya ga Johane go fitlha ka temana ya bo 28. Mme o itsise batho ka ga Jesu lwantlha- go na le kwana ya Modimo e e phimolang dibe tsa lefatshe (temana 29). Seno ke yone thomo ya ga Jesu Kreste e le nosi. Mokwadi o a netefatsa gore o bone Johane wa Mokolobetsi are o bone mowa o fologa go tswa kwa legodimong (go tswa go Modimo Rara) mo go Jesu jaaka leeba (temana 32) mme Ena (Mowa o o Boitshepo) wa sala mo go ene (Jesu). Ka nako eno Johane o kopane le Jesu ka nama, nako e khutshwane. Se re nang le sone fano, ke Tshenolo ya Tharonngwe e e Boitshepo- Modimo Rara (yo o kwa legodimong); Mowa o o Boitshepo; le Jesu, Morwa Modimo.
Kgaolo e no go ya kwa bofelong e neela ka ga pitso ya ga Jesu ya barutwaba (temana 35-52).
Kgaolo ya bobedi
Kgakgamatso ya ntlha
Mo kgaolong ya bobedi go tlhomiwa matlho mo ditiragalong tse pedi: Ya ntlha ke kgakgamatso e e dirilweng mo phatlhalatseng, fa metsi a ne a fetolwa go nna weine (temana 1-11); le go phephafadiwa ga tempele (temana 13-25). Botlhokwa jwa ditemana tseno bo a latela: Santlha re bona jaaka metsi a fetolwa go nna weine. Go ne go sena megolokwane kana kgakgamatso eno e ne e dirwa. Mo boemong, ka ntlha ya maatla a gagwe a Bomodimo, melao ya tlhago e beelwa fa thoko. Go ne ga tshwana le dikgakgamatso tse dingwe tsa gagwe. Kgakgamatso ya bobedi o phephafatsa tempele. Seno se bula tsela ya gore a re phephafatse jaaka tempele ya gwe gore a nne mo go rona. Go kaya gape fa a tlile go nna mo boemong jwa tempele, e e dirilweng ke motho, ka tempele e e tswang mo Modimong.
Go fitlha ga jaana, batho ba bantsi ba nnile dipaki kana ba iponetse metlholo kana dikgakgamatso le ditshupo tse a di dirileng. Ga re bolelelwe gore ditshupo tseo le dikgakgamatso tseo keeng, mme fela mokwadi o bua mo temaneng ya 23 gore ba ba ntsi ba dumetse mo Leineng la gagwe, ka gonne ba bone dikgakgamatso le ditshupo.
Ke ka ntlha ya lemorago leno, mokwadi a re itseseng se se ka tlhalosiwang fa e le dithulano magareng ga Jesu le baeteledipele ba tumelo, mme le fa ele gore mo ntlheng eno, go ne sa tshwanela gore go nne le kgotlhang, mme go tshwanetse go ka bo go nnile le tlhaloso ya gore thomo ya Gagwe mo lefatsheng e ne e kaya eng.
Kgaolo ya Boraro
A re buiseng kgaolo eno ka botlalo. Temana e e tlwaelegileng e phimotswe mme temana e nngwe le e nngwe e beilwe mo moleng o o kgaogantsweng gore e buisege bonolo.
O tshwanetse go tsalwa sesha
1Jaanong ga bo go le monna mongwe wa Mofarasai a bidiwa Nikotemo, e le molaudi wa Bajuta.
2Monna yo o ne a tla kwa go Jesu go le bosigo a mo raya are, Rabi, re a itse fa o le moruti yo o tswang kwa Modimong, ka gonne ga go ope yo o ka dirang ditshupo tse o di dirang fa Modimo a se na nae.
3Jesu a mo fetla are, Ammaaruri, ammaruri ke a go raya, fa motho a sa tswalwe seswa, ga a kake a bona bogosi jwa Modimo.
4Nikotemo a mo raya are: Motho o ka tswalwa jang a tsofetse? A o ka boela a tsena lwa bobedi mo sebopelong sa ga mmagwe, mme a tsalwa?.
5Jesu a mo fetola are: Ammaaruri, ammaaruri ke a go raya, fa motho a sa tsalwe ka metsi le Mowa, ga a kake a tsena mo bogosing jwa Modimo.
6Se se tsetsweng ke nama ke nama, mme se se tsetsweng ke Mowa ke Mowa.
7O se gakgamalela ka gore ke go reile ka re, lo na le go tsalwa seswa.
8Phefo e fokela kwa e ratang mme o utlwa go suma ga yone, mme ga oitse kwa e tswang teng, le kwa e yang teng; mme le mongwe le mongwe yo o tsetsweng ke Mowa o ntse jalo.
9Nikotemo a mo fetola are: Dilo tse di ka nna jalo jang?
10Jesu a mo fetola are: A o moruti wa Iseraele, mme o sa tlhaloganye dilo tse?
11Ammaaruri, ammaruri ke a go raya, rona re bua se re se itseng, re supa se re se bonyeng; mme lona ga lo tshole tshupo ya rona.
12Fa ke lo bolelela dilo tsa selefatshe lo sa dumele, lo tlaa dumela jang , fa ke lo bolelela dilo tsa selegodimo?
13Ga go a tlhatlhogela ope kwa legodimong, fa e se ena yo o fologileng kwa legodimong, ebong Morwa Motho yo o kwa legodimong.
14Mme jaaka Moshe a kile a tlhatlosa noga kwa gare ga naga, Morwa Motho o na le go tlhatlosiwa fela jalo; gore le fa e le mang yo o dumelang a bone botshelo jo bo sa khutlheng mo go ene.
16Gonne Modimo o ratile lefatshe mo go kalokalo wa ntsha Morwa one yo o tsetsweng a le esi, gore le fa e le mang yo o dumelang mo go ene a seka a nyelela, mme a bone botshelo jo bo sa khutlheng.
17Gonne Modimo ga o a ka wa roma Morwa One mo lefatsheng go sekisa lefathse, mme e le gore lefatshe le bolokwe ka ena.
18Yo o dumelang mo go Ene ga a sekisiwe, yo o sa dumeleng o sekisitswe le gompieno, ka a seka a dumela mo leineng la Morwa Modimo yo o tsetsweng a le esi.
19Tshekiso ke e, gore Lesedi le tsile mo lefatsheng, mme batho ba ratile lefifi bogolo go Lesedi; gonne ditiro tsa bone di ne di le bosula.
20Gonne mongwe le mongwe yo o dirang bosula o ila Lesedi, o a ba a satle leseding, e tle e re kgotsa ditiro tsa gagwe di kgalelmelwe.
21Yo o dirang boammaruri o tla leseding, gore ditiro tsa gagwe di senolwe, fa di dirilwe mo Modimong.
Johane o bolela ka ga Jesu
2222 Erile morago ga dilo tse Jesu a tla mo lefatsheng la Judea, a na le barutwana ba gagwe; mme a diega nabo gone a kolobetsa.
23Johane le ene a bo a kolobetsa mo Ainone, gaufi le Salime, gonne metsi a ne a le magolo teng; mme ba tla ba kolobediwa,
24gonne Johane o ne a ise a tsenngwe mo ntlong ya kgolegelo.
25Ke gone ka moo potso e ne ya tsoga, barutwa ba ga Johane ba botsanya le Mojuta mongwe ka ga bontlafatso.
26mme ba ya kwa go Johane, ba mo raya bare: “Rabi, yo o ne a na naye kwa moseja ga Joretane, yo o supileng ka ga gagwe, bona o a kolobetsa, mme batho botlhe ba ya kwa go ene.”
27Johane a ba fetola are: “ Motho ga a kake a amogela sepe, fa a seka a se newa se tswa kwa legodimong.
28Le lona ka losi, lo basupi ba me, ka ke rile, ga ke Keresete, fa e se gore ke romilwe pele ga gagwe fela.
29Yo o nang le monyadiwa, ke monyadi; mme tsala ya monyadi, yo o emeng a mo utlwa, o itumelela lentswe la monyadi thata; ke gone boitumelo jo jwa me bo diretse.
30Ene o na le go gola (go oketsega), mme nna ke na le go ngotlafala.
31Yo o tswang kwa godimo o godimo ga botlhe, yo e leng wa lefatshe ke wa lefatshe, o bua ka ga lefatshe; yo o tswang legodimong o godimo ga botlhe.
32Se o se bonyeng a se utlwa, ke sone se o se supang, ga go ope yo o amogelang tshupo ya gagwe.
33Yo o amogetseng tshupo ya gagwe, o ikwadile a baya sekano sa gagwe sa gore, Modimo o boammaaruri.
34Gonne yo Modimo o mo romileng o bua mafoko a Modimo; gonne ga o abe Mowa wa selekanyo.
35Rara o rata Morwa, mme o tsentshe dilo tsotlhe mo seatleng sa gagwe.
36Yo o dumelang mo go Morwa Modimo o na le botshelo jo bo sa khutlheng, mme yo o ganang go utlwa morwa Modimo, ga a kitla a bona botshelo, mme bogale jwa Modimo bo ntse mo go ene.”
Kgaolo ya Boraro, Karolo ya Ntlha
Jesu o ruta Nikotemo
Ka gale re bona fela kgaolo ya boraro e e ka ga loeto lwa bosigo lwa ga Nikotemo, mme re sa buise go feta ko go temana ya 21, mme go na le tse dintsi go feta moo. Jaaka e le gore karolo ya ntlha e leng temana 1 go fitlha 21, e ka ga Jesu fa a ruta Nikotemo ka ga go tsalwa seswa, karolo e e latelang, eleng temana 22 go fitlha 36, e tlhoma matlho gape mo go Johane wa Mokolobetsi, le go tsaya karolo ga gagwe go go felang. O butse tsela ya Morena Jesu, mme jaanong o tshwanetse go fokotsega gore Jesu a oketsege. (temana 30).
Nikotemo e ne le moeteledipele wa sedumedi yo o nang le tlhotlheletso, a na le leina la SeGerika se se kayang fa a ne a rutegile, e le mofarasai mme e bile e le wa leloko la lekgotlha le le busang la Bajuta (Temana 1). Go fitlha ga jaana, baeteledipele ba sedumedi ba ne ba setse ba itse molemo o Jesu a neng a na le one go batho, ebile gongwe ba ne ba simolola go tshwenyega, mme Nikotemo o ne a tla gore a itse go le go itse ka ga Jesu. Ela tlhoko gore Nikotemo, o tla go le bosigo (temana 2), gore batho ba seka ba tlhokomela thata fa ele ene. Go a kgonagala gape gore, fa letsatsi le tlhabile, batho ba ne ba kokoanela Jesu mme Nikotemo a ne a se kitla a kgona go bua le ene mo sephiring. Mme Nikotemo o raya Jesu are baeteledipele ba bodumedi ba itse ka ga Jesu, ba itse fa Jesu e le moruti, le gore o na le boemo jo bo siameng, ke ka moo Nikotemo a mmitsa Rabi. O a dumela gore Jesu o tswa kwa Modimong, ka gonne go se ope yo o kgonang go dira ditshupo tse Jesu a di dirang ntle le fa Modimo a na le ene.
Re tshwanetse go gakologelwa gore Bajuta ba ne ba ntse ba solofetse Messiah, mme tsholofelo ya bone e ne le ya gore go tla moeteledipele wa sesole yo yo tla menolang bagateledi ba bone e leng Baroma. Nikotemo o lemoga gore Jesu ke Messiah, mme ebile ga a dire jaaka baJuta ba ne ba solofetse.
Kwantle le go fetola ka mokgwa o Nikotemo a neng a solofetse ka teng, ka tshoganyetso Jesu o mo itsise ka leano la kana thuto ya go tsalwa seswa. (temana 3). Seno se gakgamatsa Nikotemo thata mme karabo ya gagwe e a swabisa. Nikotemo o botsa gore fa motho a setse a tsofetse, a ka tsalwa seswa jang, mme ebile go sa kgonege gore motho a ka tsena mo popelong ya ga mmaagwe gore a tsalwe seswa (temana 4). Bajuta ba ne ba na le tumelo ya gore ke bona fela ba ba solofeditsweng bogosi jwa Modimo mme ke seo Nikotemo a sa bone ntlha ya go “tsalwa seswa”.
Ke nnete, Jesu fa a ne a bua ka ga go tsalwa seshwa o ne a sa kae seno, mme o araba ka go tlhalosa ntlha ya gagwe go feta- motho o tshwanetse a tsalwe ka metsi le ka mowa o o boitshepo, kwa ntle le seo, a ka se tsene ka bogosi jwa Modimo. Mme Jesu o tlhalosa dintlha tse pedi tseno ka tsela e. Se se tsholwang ke motho, ke nama. Se se tsholwang ke Mowa, ke mowa. Go tshwanetse ga nna le go fetoga, mme seno ke ka ga go tsalwa seshwa.
Nikotemo o santse a makaditswe ke thuto ya ga Jesu mme o botsa gore dilo tseno di ka diragala jang (temana 9) mme Jesu o mo kgatlhantsha ka gore go tla jang o le moeteledipele wa bodumedi, ebile moeteledipele, o sa itse seno, ka gore Nikotemo a ka ne a bo a badile a ithutile go tswa go baeteledipele ba ba neng ba boletse go ya pele ka ga go tla ga Messiah. Jesu o palelwa ke go tlhaloganya gore go tla jang gore moeteledipele wa Bajuta a retelewa ke go amogela bopaki (temana 11). Fa ba ms a kgone go tlhaloganya dilo tsa selefatshe, bat la tlhaloganya jang dilo tsa selegodimo.
Jesu o fa Nikotemo ka thuto ya testamente ya bogologolo- fela jaaka Moshe a ne a tlhatlhosa noga mo nageng ( Dipalo 21 :6-10) mme le Morwa Motho o tla tsholediwa (a sotlakakwe), gore b aba dumelang mo go ene, bas eka ba nyelela mme ban ne le botshelo jo bo sa khutlheng (temana 15). Mme temana eno e utlwala fela jaaka temana e e tlwaelegileng, Johane 3:16a> a ga go jalo? A re lebeleleng gore go ne ga diragalang mo nageng ka Moshe le noga.
Moshe le noga
Tiragalo e e kwadilweng kana e e rekotilweng mo Dipalo 21 e supa ka nako ya fa Iseraele e ne e tsamaya mo sekakeng e ya kwa nageng e e neng e tshepisitswe. Ba ne ba fapaana le dira di le dintsi mme bontsi ba dira tseno di ne di fenya Iseraele. Nngwe ya dira tseno ke Kgosi ya Arad. Wa Mokanana. O lole kgatlhanong le Iseraele mme a thswara ba bangwe, mme Iserale ya ikana gore e tla senya metsesetoropo ya Arad mme Modimo o ne a bafa ka moo ba neng ka eletsa ka teng.
Fa Baiseraele ba ntse ba tsamaela go ya pele ba hutsafala mme ba bua kgatlhanong le Modimo le Moshe, ba botsa gore ke ka ntlha ya eng fa ba ntshitswe kwa nageng ya Egepeta gore ba tle ba swele mo sekakeng. Ba ne ba tshwanela ke go retologa go tswa kwa Kanana, go ya kwa nageng gore ba dikologe Edom gonne baagi ba teng ba ne ba gana go ba dumelela gore ba tswelele go kgabaganya mo nageng ya bone. Banni bano ba Iseraele ba ne ba sa le bashwa, mme ba ne ba dira diphoso tse di tshwanang le tsa ba ba kwa pele ga bone, ka go se tshepe go neelana ga Modimo mo go bone ka gotlhe.
Go ba ruta thuto, Modimo a romela dinoga gore di ba lome, mme ba le bantsi ba ne ba swa. Seo e ne le phitlhelelo ya tshepiso ya gore botlhe ba ba tsamaileng kwa Iseraele ga ba kitla ba fitlhelela lefatshe le le tshepisitsweng. Baiseraele ba ne ba tlala ka maikotlhao fa ba bona gore ke ba le kae ba ba bolailweng ke dinoga mme ba kopa Moshe gore a tsereganye. Modimo o ne a raya Moshe are a dire noga ya mmala wa boronse mme a e pege mo koteng. Mme mongwe le mongwe yo o neng a leba noga e e dirilweng ke Moshe eno, o ne a fola. Boronse ke sekai sa katlholo. Tlhaloganya gore noga eno e ne e se sesetwa, se se kganetswe, mme ke sekai sa molaetsa o o boteng.
Mme go nale kgakgamatso fano – go kgonega jang gore fa o leba setshwantsho sa phologolo e e bolaileng ba bangwe , e letla ba bangwe ba ba lomilweng gore ba tshele mme ba se swe. Mme thuto e a bonagala- Jesu o ne a tshwanetse go bapolwa, mme mo morago ga moo mongwe le mongwe yo o amogelang leano la Modimo la gore a letle morwae go swa mo sefapanong, a se swele mo dibeng tsa gagwe.
Kwa bofelong, fela jaaka ba ba dirileng dibe mme ba longwa ke dinoga mo sekakeng, ba ne ba leba noga mo koteng mme ba bolokwa, mme ba ba lebang Morwa Motho mo sefapanong mme ba amogela phodiso ya gagwe, ba tla amogela botshelo. Jesu ga a dira sepe gotlhelele, mme fela o ne a dirwa sebe lebakeng la rona. Fela jaaka noga e ne e le setshwantsho sa bosula se se tshwanetseng go lebanwa le sone, Jesu o ne a tswanelwa ke go nna sebe gore rotlhe re kgone go pholosiwa.
Go a bonagala jaanong, gore o tlhaloganye Johane 3:16, re tshwanetse go buisa pele temana 14 le 15.
Jesu o tswela pele ka go ruta Nikotemo ka ga tswalo seshwa
Jesu o dira sekai ka noga e e mo koteng, sengwe se e leng gore Nikotemo o neng a se itse, go mo supetsa leano la Gagwe mo lefatsheng. O bua mo temaneng ya 15 gore Morwa motho o tshwanetse go tlhatlhosiwa ( a kaya leso la gagwe mo sefapanong) gore bao ba dumelang mo go Ene, ba seka ba nyelela mme ba nne le botshelo jo bo sa khutlheng. Mme Jesu o a e gatelela. Modimo o ratile lefatshe lotlhe le batho ba lona, ba ba fitileng, le ba sa tlileng go tla, gore a be e neele Morwae a le Esi, gore botlhe ba ba dumelang mo go Ene, ba seka ba timela mme ba nne le botshelo jo bo sa khutlheng (temana 16). Leano la Modimo ka thomo ya Jesu mo lefatsheng, e ne e se ka go atlhola lefatshe, mme e le gore lefatshe le bolokwe ka ene (temana 17).
Mme kgaogano e tla fano: mongwe le mongwe yo o dumelang , ga a atlholwe, mme yo o sa duemeleng, o atlhotswe gonne a sa dumela mo leineng la Morwa Modimo. Katlholo ke eng? Temana 19 e bua gore katlholo ke gore Lesedi (eleng Jesu) le tsene mo lefatsheng mme fela batho ba ne ba rata lefifi go feta Ene. Goreng? Ka lebaka la ditsela tsa bone tse di sa siamang. Ba ba dirang bosula ga ba rate nnete ya gore Lesedi le senola ditiro tsa bone tse di maswe, mme ba nnela lefifi gore ditiro tsa bone tse di maswe di seka tsa bonwa / senolwa.
Ba bangwe ke ba ba dirang ditiro tse di molemo, mme ba tshela go ya ka nnete, mme ba tla mo Leseding gore ditiro tsa bone di bonwe mo matlhong a Modimo (temana 21).
Ga re bolelelwe gore puisano ya ga Jesu le Nikotimo e felela kae, mme fela ka tsela e e kgonang. O ithutile thuto go tswa mo Molaong, o e leng gore Nikotemo o ne a o itse, mme a o dirisa mo thomong ya gagwe mo lefatsheng. Nikotemo o tshwanetse go tlhaloganya gore Leano la Messiah ka nako eo e ne e se go ka golola Bajuta go tswa mo bagateleding ba bone, ba Maroma, mme e ne e le go golola motho mo sebeng.
Kgaolo 3 Karolo ya bobedi
Bopaki jwa bobedi jwa ga Johane Mokolobetsi
Kgaolo 15 go fitlha go 34, e bua ka bopaki jwa ntlha jwa ga Johane Mokolobetsi. Mme jaanong mo kgaolo 3 temana 22-36, re na le bopaki jwa bobedi. Jesu le barutwana ba gagwe ba ne ba setse ba tsamaile kana ba ntse ba fuduga thata. Ba ne ba le kwa Judea ba ntse ba kolobetsa batho, mme ka yone nako eo gaufi le bone go ne go na le Johane le setlhopha sa gagwe, ba ntse ba kolobetsa batho. Ka nako eno, Johane o ne ise a isiwe kwa kgolegelong. Barutwana ba ga Johane ba tla go ene, ba mmotsa ka ka moletlo wa go tlhapisiwa. Go buiwa fa ba ne ba itse gore Jesu le ena o ne a le mo tikologong eo, mme batho ba le bantsi go na le gore ba ye ko go Johane, ba ne ba ya kwa go Jesu gore a ba kolobetse. Mme Johane a itshireletsa ka gore ene ga se Kreste, le gore o rometswe pele ga Jesu gore a mmulele tsela. A dirisa sekai se e leng gore Bajuta ba ka nako eo ba ne ba se itse. Lenyalo ke moletlo o o kgethegileng, mme go a tshwanela gore kgakgamatso ya ntlha e diragetse kwa lenyalong (Johane 2). Jesu o rotloetsa lenyalo jaaka kgolagano e e bontshiwang kwantle magareng ga monna le mosadi, mme ena le tshegofatso ya Modimo.
Johane a re o itumelela go nna tsala ya monyadi. Ka setso, tsala e e siameng ya monyadi e rulaganya moletlo wa lenyalo, ebile go botlhokwa gore tsotlhe di tsamaye ka tshiamo. Kwa lenyalong, tsala eno, e reetsa ka boitumelo lentswe la monyadi (Jesu) go monyadiwa (Badumedi). O kgotsofetse ka seno, mme o a boeletsa- O tshwanetse go godisiwa, mme nna ke ngotlafale. O dumelana le bogolo kana bolaudi jwa gagwe yo o tswang kwa godimo( temana 31) Johane o bua ka go bonagala gore ga se botlhe ba ba tla utlwang molaetsa ba ba tla o arabelang (temana 32), mme ba ba arabang, ba a tlhomamisa gore Modimo o na le boammaaruri. Yo o rometsweng ke Modimo, o na le mowa o o sa kakeng wa lekanyediwa. Modimo, Rara o rata Morwa, mme o beile tsotlhe mo matsogong a gagwe. Johane Mokolobetsi o tsaya ditiro tsotlhe a di neela Ene yo o mmuletseng tsela le barutwana ba Gagwe . Fa tirelo ya Jesu e gola, ya ga Johane e ne ya nyenyefala.
Mokwadi o fetsa ka kgalemo e e molemo, yo o dumelang mo go Morwa, o na le botshelo jo bo sa khutlheng. Yo o latolang molaetsa ono wa pholoso, ga a kitla a bona botshelo jo bo sa khutlheng le bogale jwa Modimo bo mo go bone. Tshwetso ke ya gago, mme o tla tshela le ditlamorago. Johane Mokolobetsi o a netefatsa mo temaneng 36 se Jesu a se reileng Nikotemo mo temaneng 15 le 16- gore go dumela mo go Morwa Modimo, go isa kwa botshelong jo bo sa khutlheng, eseng sepe gape.
Bokhutlo
Johane Kgaolo ya Boraro ke tshobokanyo e e makatsang ya leano Modimo ka pholoso ya motho. Dilo di le dintsi di motlhofo:
- Modimo o a re rata.
- Re tshwanelwa ke go tsalwa seshwa.
- Re tshwanelwa ke go tsalwa seshwa ka metsi le ka mowa.
- Batho ba sule mo sekakeng, ka gonne ba ne ba sena tumelo, le kwantle ga gore Modimo a ba neela. Tharabololo e nnile noga e e mo koteng, gore ba ba nang le kutlo, ba leba noga eno mo koteng, ba ne ba fola dintho tsa go longwa ke dinoga mme ba tshela. Ba bangwe ga ba a ka ba obamela, mme ba swa. Loso la Jesu mo sefapaanong, ke pholoso ya rona, mme bo re neela botshelo jo bo sa khutlheng. Ba bangwe ga ba kitla ba nna le kutlo mme ba tla swa.
- Modimo ga o a romela Morwa One go tla go atlhola lefatshe, mme gore lefatshe le bolokwe.
- Tswetso e bonolo, dumela, o bolokwe, kana se dumele, mme o atlholwe.
- The choice is simple: believe and be saved; or do not believe and be condemned.
- Go na le ntwa magareng ga lefifi (diabolo) le Lesedi (Jesu). Ba ba sa siamanag ba rata lefifi, gore ditiro tsa bona di seka tsa bonagala. Mme Basiame ba tla mo leseding gore ba bonwe gore ditiro tsa bone di dirilwe mo ponong ya Modimo.
- Johane Mokolobetsi ga a tswe pelo, fa a utlwa gore Jesu le barutwana ba gagwe ba a kolobetsa, le fa e le gore e ne e le kgale a kolobetsa batho pele ga Jesu a kolobetsa.
- O gatelela gore Jesu a ntsifale kana a ate, mme ene a ngotlege.
- Yo o dumelang mo go Morwa o na le botshelo jo bo sa khutlheng. Yo o sa dumeleng, ga a na botshelo jo bo sa khutlheng. Mo godimo ga moo, kotlhao ya Modimo e mo go ene.
Ela tlhoko gore tiro e e sa tsweletse, mme tshedimosetso e nngwe e tla okediwa ka gale.
Video e e fa tlase e tlhalosa Johane 3:16 ka tsela e e gakgamatsang. Sala morago kanale ya bona ya You-Tube.